Acts 6

Go tlhophiwa ga banna ba supa

1Mme ya re ka go ntsifala ga badumedi ka bofefo, ga nna le dingongorego. Ba ba buang puo ya Segerika fela ba ngongoregela gore batlholagadi ba bone ba a kgethololwa ga ba newe dijo tse di lekanyeng ka nako ya fa go abiwa dijo, jaaka go fiwa ba ba buang Sehebera. 2Jalo ba ba lesome le bobedi ba bitsa phuthego ya badumedi botlhe ba re, “Re tshwanetse go dirisa nako ya rona mo go rereng, e seng go tsamaisa thulaganyo ya dijo. 3Ke gone bakaulengwe ba ba rategang, senkang banna ba supa mo gare ga lona, ba ba botlhale ba bile ba tletse Mowa O O Boitshepo, ba ba itsegeng ka molemo mo bathong botlhe; mme re tlaa ba tlhoma go nna batsamaisi ba tiro e. 4Mme re tlaa dirisa nako ya rona mo thapelong, mo therong, le mo thutong.”

5Mme mo ga utlwala sentle mo phuthegong yotlhe, mme ba tlhopha ba ba latelang: Setefane, (monna yo o tletseng tumelo le Mowa O O Boitshepo), Filipo, Porokoro, Nikanore, Timone, Paramenase, Nikolase wa Antioka (Modichaba yo o sokologetseng mo tumelong ya Sejuta, yo o rileng la bofelo a sokologela mo Bokereseteng). 6Mme ba ba supang ba, ba isiwa fa pele ga Baaposetoloi ba ba baya diatla ba ba rapelela ba ba kopela tshegofatso.

7Molaetsa wa Modimo wa rerwa ka bophara mo tikologong yotlhe, mme palo ya barutwa ya ntsifala ka go anama mo Jerusalema; mme baperesiti ba Sejuta ba le bantsi le bone ba sokologa.

Go tshwarwa ga ga Setefane

8Setefane, monna yo o tletseng tumelo le nonofo ya Mowa O O Boitshepo a dira dikgakgamatso tse dikgolo tse di sa tlwaelesegang mo bathong.

9Mme ya re ka letsatsi lengwe banna bangwe ba tumelo ya Sejuta ba simolola go ganetsanya nae, mme ya re ka bofefo ba kopana le Bajuta ba ba tswang kwa Saerine, Alekesandria mo Egepeto, le mo dikgaolong tsa Take, ebong Kilikia le Ausia. 10Mme go ne go se ope wa bone yo o emelanang le botlhale le mowa wa ga Setefane.

11Mme ba tlisa bangwe ba banna go tla go bua maaka ka ga gagwe ba re ba utlwile Setefane a tlhapatsa Moshe, le Modimo tota.

12Mme ditshele tse, tsa dira gore batho ba tsogologele Setefane, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo tshwara ba mo tlisa fa pele ga lekgotla.

13Basupi ba maaka ba supa gore Setefane o ne a aga a bua kgatlhanong le Tempele le melao ya ga Moshe.

14Mme ba re, “Re mo utlwile a re Jesu wa Nasaretha o tlaa senya Tempele le melao yotlhe ya ga Moshe.”

15Ya re ka nako eo botlhe ba ba neng ba le mo lekgotleng ba bona sefatlhogo sa ga Setefane se tsabakela jaaka sa moengele.
Copyright information for TsnLEF